Acts 14

Paulo o rera kwa Ikonio

1Mme kwa Ikonio, Paulo le Barenabase ba ne ba tsamaya mmogo ba ya kwa tempeleng mme ba rera ka nonofo e kgolo e Bajuta le Badichaba ba neng ba e dumela.

2Mme Bajuta ba ba neng ba gana molaetsa wa Modimo ba feretlha Badichaba gore ba seka ba dumela Paulo le Barenabase, ba bua ka dilo di le dintsi tse di maswe ka bone. 3Mme le fa go ntse jalo, ba ne ba nna foo lobaka lo lo leele, ba rera ka bopelokgale, mme Morena a supa fa molaetsa wa bone o tswa kwa go ene ka go ba neela nonofo ya go dira dikgakgamatso tse di kgolo. 4Mme batho ba motse ba ne ba farologana ka maikutlo kaga banna ba. Bangwe ba ne ba dumalana le baeteledipele ba Sejuta mme ba bangwe ba dumalana le baaposetoloi. 5
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 14:6.
6
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 14:5-6.
Mme erile fa Paulo le Barenabase ba lemoga leano la go tlhotlheletsa bontsi jwa Badichaba, Bajuta le baeteledipele ba Sejuta go ba tlhasela le go ba bolaya, ba ipoloka, ba ya kwa metseng ya Lukaonia, Lusetera, Derebe le mo tikologong,
7mme ba rera Mafoko a a Molemo teng koo.

Paulo o rera kwa Lusetera

8Mme erile fa ba le kwa Lusetera, ba tla fa monneng yo o neng a golafetse dinao go tswa sebopelong sa ga mmaagwe, ebile a ise a ke a tsamaye. 9O ne a reeditse fa Paulo a rera, mme Paulo a mo lemoga mme a bona gore o na le tumelo ya go fodisiwa. 10Jalo Paulo a mmitsa a re, “Ema ka dinao!” Mme monna a tlola a ema ka dinao a simolola go tsamaya!

11Mme erile boidiidi jo bo reeditseng bo bona se Paulo a se dirileng, ba goa (ka puo ya bone) ba re, “Banna ba ke medimo mo setshwanong sa motho!” 12Ba ne ba akanya gore Barenabase ene ke Modimo wa Segerika ebong Jupitere, mme Paulo, ka gonne e ne e le sebui se segolo, ke Merekuri. 13Mme moperesiti wa Tempele ya Jupitere, e e agilweng ka kwa ntle ga motse, o ne a ba tlisetsa merwalo ya dithunya a bo a ba ntshetsa setlhabelo sa dikgomo kwa kgorong ya motse fa pele ga boidiidi jwa batho.

14Mme erile fa Paulo le Barenabase ba bona se se diragalang ba gagola diaparo tsa bone ka kutlo botlhoko mme ba ralala batho ba, ba goa ba re, 15“Banna! Lo dirang? Re batho fela jaaka lona! Re tletse go lo neela Mafoko a a Molemo gore lo lalediwa go tlogela kobamelo ya dilo tsa bomatla mme mo boemong jwa moo go rapela Modimo o o tshelang one o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le sengwe le sengwe se se mo go tsone. 16Mo malatsing a a fetileng Modimo o ne wa letla dichaba go tsaya ditsela tsa tsone, 17mme ga o ke o ne o tlhoka bosupi ja dilo tse di molemo tse o neng o di dira jaaka go lo nesetsa pula le dijalo tse di siameng le go lo fa dijo le boitumelo.”

18Mme le fa go ntse jalo, Paulo le Barenabase ba ne ba sa kgone go itsa batho go ba direla setlhabelo! 19Mme morago ga malatsinyana, Bajuta bangwe ba goroga ba tswa Antioka le Ikonio mme ba fetola boidiidi jwa batho gore bo nne babolai ba ba neng ba kgobotletsa Paulo ka matlapa ba mo gogela kwa ntle ga motse a bonala o ka re o sule. 20Mme erile fa badumedi ba mo dikaganyetsa, a ema a tsena mo motseng! Letsatsi le le latelang a tsamaya le Barenabase ba ya Derebe.

Ba boela kwa metseng ya Seria

21Mme erile morago, ba sena go rera Mafoko a a Molemo teng koo, ba bo ba dira barutwa ba bantsi, ba boela gape kwa Lusetera, Ikonio le Antioka, 22kwa ba neng ba thusa badumedi go tia mo loratong lwa Modimo le gore ba ratane. Ba ne ba ba kgothatsa go tsena mo Bogosing jwa Modimo ka dipogisego tse dintsi. 23Mme Paulo le Barenabase le bone ba tlhopha bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe ba ba rapelela ka go itima dijo, ba ba isa mo tlhokomelong ya Morena yo ba mo ikantseng.

24Mme ba ralala Pisidia go ya kwa Pamfilia, 25ba rera gape mo Perega, mme ba tswelela ba ya kwa Atalia.

26Mme la bofelo ba boela ka sekepe kwa Antioka, kwa loeto lwa bone lo simologileng teng, le kwa ba neng ba ineela mo Modimong mo tirong e jaanong e weditsweng. 27Erile fa ba goroga ba bitsa badumedi mme ba bolela loeto lwa bone, ba bolela ka fa Modimo o buletseng le Badichaba tumelo ka teng. 28Mme ba ne ba nna le badumedi kwa Antioka sebaka se seleele.
Copyright information for TsnLEF